And I heard a voice from Heaven; saying to me, “Write: Blessed are the dead who die in the Lord from henceforth; Yea, saith the Spirit, that they may rest from their labours, and their works do follow them Rev 14:13
If Tears Could Build A Stairway If tears could build a stairway, And memories were a lane, We would walk right up to Heaven, And bring you back again No farewell words were spoken, No time to say goodbye, You were gone before we knew it, And only God knows why Our hearts still ache in sadness, And secret tears still flow, What it meant to lose you No one will ever know But now we know you want us, To mourn for you no more, To remember all the happy times Life still has much in store Since you'll never be forgotten, We pledge to you today, A hallowed place within our hearts, Is where you'll always stay -Author Unknown
Melica Matshidiso Gaborone o belegwe ka ngwaga wa 1964, Kgwedi e le ya Sedimonthole letlha e le la bo some (1964-12-10) kwa motseng setoropo wa Mohlakeng, Randfontein. E ne e le ngwana wa boraro wa ga Rre le mme Reuben le Pauline Gaborone. Mme Tshidi Gaborone o tsenetse dithuto tsa primary kwa Bhongweni Primary School, tsa magareng ko Boitshoko Middle School, Majementsho a bo a tsamaela kwa Mohlakeng kwa a tseneng sekolo se segolo ko AB Phokompe a bo a konotela marematlou kwa Phahama Senior Secondary School. Ka gore e ne e le motho yo o ratang thuto, o ile a tsweletsa dithuto tsa gagwe ko setheong se segolo sa University ya Bokone-Bophirima, mo a fitlheletseng lekwalo la Bachelor of Tourism. O ne tsamaela kwa Randfontein Estates Gold Mine kwa a simollotseng go dira gone. Morago ga moo, O dirile mo ditheong di le mmalwa, go fitlhella a konotela tiro e le Modiredi-puso mo North West Province Lefapha e le la Economic Development, Environment, Conservation and Tourism, go fitlhella leso le mo kgaoletsa a ise a digele seditse. Ka ngwaga wa 1988, Mme Tshidi Gaborone o tsene mo nyalong e e boitshepo le Rre July Machebe, yoo a setseng a siele lefatshe le le ka kwano. O ne a segofaditswe ka bana ba le bararo, e leng Tebogo, Zakhele (yo a setseng a robetse), le Tsholofelo. O nnile le ditlogolo di le tharo, Kagoentle, Realeboha le Ororiseng. Mo morago ga dilemo tse dintsi, ka 2024 o ile a tsena mo lenyalong la bobedi le Rre Kingsley Kgari. Mme Tshidi Gaborone o ne a kubugelwa ke bolwetse mo lobakeng le le leleele thata, moo o bileng a okelwa kwa maokelong a le mmalwa, go fitlhela a bilediwa gae kwa go mmopi ka letsatsi la bo 09 Lwetse 2026 a le kwa kokelong ya Unitas Netcare ko Centurion, Gauteng. Mme Melica Matshidiso Gaborone o tlogela Rraagwe, Rre Rammiga Reuben Gaborone le bana ba le babedi (Tebogo le Tsholofelo), Molekane wa gagwe, Rre Kingsley Kgari le ditlogolo di le tharo e leng Kagoentle, Realeboha le Ororiseng, Bo-Mogolowe ba babedi (Rose le Gladys) le monnawe a le mongwe (Eggy). Robala mo Kagisong - Thakadu!
Re le Tshika yootlhe yoo Rra-Gaborone le masika a a farologaneng, re lo leboga go menagane ka tshegetso yootlhe eo lo re e neileng go tloga ka letsatsi la pele, go fitlha tiro eno e fitlha bokhutlong. Re lebogela melaetsa ya matshidiso, dithapelelo le dikatso tsotlhe. Re rapela gore Modimo wa Boikanyo a lo segofatse, mme a lo nesetse pula!