Moswi Virginia Baitse Motoko, o bonwe ka ngwaga wa 1977, sedimonthole a tlhola malatsi a le some le bo tlhano (1977-12-15).
Ke ngwana wa ga Moswi Lydia Kenalemang le Rre Moroka Samuel Lekomanyane.
O simolotse di thuto tsa gagwe kwa Upper-setlago Primary School, a fetela kwa Kgosishope Middle School mme a feletsa kwa Utlwanang High School kwa a iponetseng marematlou teng.
Moswi o ile a iponna tiro kwa makgoweng jaaka domestic worker. A tshegofadiwa ka ngwana a le nosi wa mosimane (Thebeetsile).
O ile a tsena mo nyalong e e boitshepo le Rre Thatayaone Micheal Motoko ka ngwaga wa 2020. Moswi o tlogela lefatshe le le ka kwano ka 06-12-2025 morago ga bolwetse.
O tlogela molekane wa gagwe, ngwana le bo mogolowe ba le bararo.
Robala Ka Kagiso Motaba,setlogolo Sa Batlhaping Boo Kobuwa